Loan (Maize) 										Setswana



Go dira kadimo – se o se batlang le se se tlhokwang ke setheo



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso ya kgwebo

Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Rotlhe re tlhoka gore ka nako nngwe re adime madi – bogolosegolo mo temothuong gompieno. Boammaaruri ke gore go batla go sa kgonagale go tsamaisa kgwebo kwa ntle ga go dirisa khepetlele e e adimilweng. Kgwetlho ke gore o se ke wa adima go feta ka moo kgwebo kgotsa papatso ya gago e ka kgonang go busa madi ka teng.



Gakologelwa fa motho a adima go le gontsi, e bile o tsaya lobaka lo loleele go busa kadimo, ditshenyegelo tsa kadimo di ya go nna kwa godimo. Kadimo nngwe le nngwe e na le maphata a mabedi:

Morokotso – Se ke kelo e e duedisiwang tiriso ya madi a a adimlweng. Gantsi e bonwa e le phesentheiji ya ka ngwaga ya madi a a adimilweng. Gantsi dikelo ga di a tsepamisiwa mme di ka fetoga ka ntlha ya infoleišene kgotsa dipholisi tsa mmuso.

Khepetlele – Se ke bokanakang jwa madi a a adimetsweng maikaelelo a a kgethegileng a a tlhalositsweng mo togamaanong ya kgwebo.



Sekao A:

Kadimo ya pakamagareng ya R100 000 e e tshwanetsweng go duelwa mo dingwageng tse tlhano ka morokotso wa 10% e tlaa lebega jaana:

Ngwaga
 
Ranta

Morokotso
 
Ranta 

Madi a a 

kolotwang 
 
Ranta Khepetlele e e duetsweng 
 
Ranta dituelo gotlhe
 

 
1
 
10 000
 
100 000
 
20 000
 
30 000
 

 
2
 
8 000
 
80 000
 
20 000
 
28 000
 

 
3
 
6 000
 
60 000
 
20 000
 
26 000
 

 
4
 
4 000
 
40 000
 
20 000
 
24 000
 

 
5
 
2 000
 
20 000
 
20 000
 
22 000
 

 

 

 

 

 
130 000
 

 
Sekao B:

Kadimo yona e e fa godimo fa e duelwa mo dingwageng di le lesome, e tlaa lebega jaana:

Ngwaga
 
Ranta

Morokotso
 
Ranta

Madi a a 

kolotwang 
 
Ranta Khepetlele e e duetsweng 
 
Ranta

dituelo gotlhe
 

 
1
 
10 000
 
100 000
 
10 000
 
20 000
 

 
2
 
9 000
 
90 000
 
10 000
 
19 000
 

 
3
 
8 000
 
80 000
 
10 000
 
18 000
 

 
4
 
7 000
 
70 000
 
10 000
 
17 000
 

 
5
 
6 000
 
60 000
 
10 000
 
16 000
 

 
6
 
5 000
 
50 000
 
10 000
 
15 000
 

 
7
 
4 000
 
40 000
 
10 000
 
14 000
 

 
8
 
3 000
 
30 000
 
10 000
 
13 000
 

 
9
 
2 000
 
20 000
 
10 000
 
12 000
 

 
10
 
1 000
 
10 000
 
10 000
 
11 000
 

 
 
 
 
 
 
 
 
 
155000
 

 
Kadimo ya dingwaga tse tlhano ya R100 000 e jele R130 000 fa kadimo ya dingwaga tse di lesome ya R100 000 e jele R155 000. Go mo pepeneneng gore go tlaa ja motho R24 000 go feta go adima R100 000 eo fa o fetisa ka dingwaga tse tlhano.



Dikaelokgolo tse setheo se di tlhokang

Dikaelokgolo dingwe tse banka kgotsa setheo se se tlamelang ka matlole sengwe le sengwe se di tlhokang pele di ka sekaseka go adimana ka madi ke:

Togamaano ya kgwebo

Gale ditogamaano tsa kgwebo di lebisitswe ka kgethego kwa go kgobokanyetseng maiteko a kgwebo matlole. Togamaano ya gago e tlaa akaretsa lenaneo la maikaelelo, ditlapele le tsa matlole go bontsha gore o sekasekile gore kgwebo ya gago e ya go nna le dipoelo le gore mo isagweng e tlaa bona mosola ofe mo kadimong. Togamaano e tshwanetse e bontshe sentle gore o ya go tsamaisa le go bopa jang kgwebo mme e kwalege ka tsela e e tlaa rotloetsang tshepo mo batlameleng-ka-matlole ba ba kgonegalang go bontsha gore o nonofile, o a kgona.

Kelelo ya madi a a seatleng

Kelelo ya madi a a seatleng e bontsha kelelo ya lotseno mo ditshupatlotlong tsa gago gammogo le ditshenyegelo tse di duelwang go tswa ditshupatlotlong tsa gago. Se se kgontsha mmeeletsi yo o kgonegang go bona gore madi a gago a tsena ka dikgwedi dife le gore dituelo tsa pusetso ya kadimo di tlaa ama jang lotseno loo. Go sa ntse go le botlhokwa thata gape gore o tlhagise tshedimosetso yotlhe go tswa ditshupatlotlong tsa gago tsotlhe – le fa di ka nna mo ditheong tse di farologaneng. Ke mokgwa wa bonweenwee go kopa go tlamelwa ka matlole mme o sa tlhagisa seemo sa matlole sa gago se feleletse.

Nyalano le Molao wa Tseisomolato wa Bosetšhaba, 34 wa 2005

Dibanka ga di a letlelelwa go adima batho ba go bonalang ba ka se kgone go busa kadimo. Se se sireletsa banka mmogo le modirelwa (client). Fa o retelelwa ke go duela kadimo, go bonagala mo hisetoring ya tseomolato ya gago mme gape o ka senyega leina le gore o na le mathata go ka newa molato. Ga go ope yo o batlang gore go nne jalo ka rekoto ya gagwe bogolosegolo fa o itse gore o tlaa batla go adima madi mo isagweng gape! Dikgatotshireletsego tse ke tsona tota tse di bolokileng dibanka mo Aforikaborwa mo nakong ya kwelotlase ya ikonomi ka 2009. Dinaga di le dintsi mo lefatsheng ka bophara di latlhegetswe ke dibilione gonne batho ba ne ba gaeletswe mo maanong a gore ba sa kgone go duela dikadimo tsa bona ka ntlha ya fa ba ne ba kgamegile mo ditshupatlotlong tsa dikadimo tsa bona. Molao wa Tseisomolato wa Bosetšhaba o tlhometswe go thibela batho go dirisa madi a ba se nang ona. O teng go thusa dibanka go tsamaisa sentle melato e e boitshegang e naga e nang le yona le go thibela kadimiso e e botlhaswa ka dibanka



Ditsiboso dingwe tse di mosola

Go botlhokwa thata mo bantshakunong le batsamaising ba dipolase botlhe go thapa baitseanape ba ba ka gakololang ka tsa merero e e kgethegileng e e amanang le go tlamela maiteko a temothuo a bona ka matlole e bile ba tlhaloganya mokgwa o o matswakabele wa matlole a temothuo. Bantshakuno ga ba a tshwanela go iphitlhela ba ithaya ba re ba na le tshedimosetso mo mabakeng a matlole a setegeniki a a feletseng a a ka nnang le thuso mo tsamaisong ya merero ya matlole a temothuo.



Go botlhokwa gore bantshakuno, fela jaaka borakgwebo botlhe ba ba dirisang dikadimo, ba itshupe gore ba a ikanyega mo pakeng e telele mo isagweng. Fa go ka tshokane go ntse le tiego mo tuelong se se tshwanetse go buisanelwa le moadimisi nako e sa le teng gore go tle go dirwe dithulaganyo.



Peeletso efe le efe e e dirilweng ka madi a a adimilweng e ka raya ka gale gore montshakuno o dira peeletso ya jaanong ka tsholofelo ya poelo golo gongwe mo isagweng. Montshakuno o tlhoka go ipotsa gore o tlhomamisa go le kae gore peeletso e tlaa atlega mo go tliseng dipoelo tse di siameng. Go totilwe segolo jalo ya mmidi mo setlheng se sešwa se se tlang, go tlaa nna botlhokwa thata go dira dipalelo tsa gago tsotlhe sentle ka kelotlhoko, go bona gore a go ka nna le dipoelo go jala mmidi ka tlhotlhwa ya gajaana ya mebaraka le sebopego sa ditshenyegelo. Ga go botlhale go tlaleletsa mo bothateng jwa tlamelo e e feteletseng jaaka go ntse gajaana gonne se se tlaa raya gore re ka nna le bothata jwa go diga tlhotlhwa go ya pele – bogolosegolo fa re ka nna le thobo ya pholo ya dijalo mo go 2010 - 2011. Gape go tlaa bo go sa supe kakanyo ya bogwebi e e siameng go adimela maemo a a masisi jalo madi.







Bokhutlo 

Mabaka a matlole ka gale a matswakabele e bile ka gale ga se nngwe ya dintlha tse di monate mo tsamaisong ya kgwebo ya gago. Bantshakuno ba bantsi ba ipatla kwa ntle kwa ba baakanya diterekere tsa bona, go na le go nna fa tafoleng ba tobetsana le khalekhuleitha. Fela le gale, go itlhokomolosa dintlha tsotlhe tsa tsamaiso ya matlole go ka raya gore fa gautshwane go tlaa bo go se na terekere go baakanngwa le polase go dira temothuo! Bantshakuno ba tlhoka gore ka dinako tsotlhe ba nne le pono e e tlhapileng ya seemo sa matlole sa bona e bile ba se ke ba bo ba okaoka go thapa moitseanape fa go tlhokega.

